Kgololesego in Tswana by Nols Swanepoel

Kgololesego

Fa kgololesego go nna e le: Didimala wena !
Ke na le sengwe se ke batlang go se bua.

Fa kgololesego go nna e le: Wena mo kgolegelong, re tle re kgone
Go phela kwa ntle ga poifo
Ka o sa tshwane le ba bangwe ka ditiro le pheletso ya tsone

Fa kgololesego go nna e le: go ka tlhabelwa le go dikelwa ke letsatsi
Le pote le golegilwe ke tsotlhe tsa gompieno
Mme le ganelwe go nna lone ka bolone

Fa kololesego go nna e le: go lotlela mabati
O itsisiwe mo theeveng ya gago kwa ntle ga pateletso
Tsotlhe tse di bolokegileng motsanengthoko wa gago

Fa kgololesego go nna e le: go tlhola ke robetse ka tsisibalo
Ka ba bangwe ba amogilwe maleme
Ka boomo

Fa kgololesego go nna e le: Go ka ja se ke se lakatsang
Mme ka phuthela matlapi ka kuranta
Mo go sa buiweng sepe ka ga mmopamo

Fa kgololesego go nna e le : Go sa itse se se nkgolotseng
Se ntshware ke golotswe
Mme se ntlame ke gololesegile letsatsi le letsatsi

Fa kgololesego go nna e le: Go letela ba bangwe
Go ka nkgolola mo dipoifong
Tse ke di beileng mo pelong ya me

Fa kgololesego e ntlamile dikakanyo
Fa e foka go ntsenelela mo moweng
Ya mpota mo matlhakoreng otlhe
Mme ka palelwa ke go e lemoga

Fa nka timelwa ke kgololesego
Mo dikakanyong tsa me
Ke sa e tlhaloganye

Fa kgololesego go nna gompieno
Go lebega e le selo se se tlwaelegileng
Nna ke sa itse go tewang

Kgololesego go nna e le tlhogo ya ledi kwa godimo
Go wena e le tlhogo kwa tlase
E tlabo e le selo se se itaolang se fokelwang go gotlhe

Mme go gongwe nka letlelwa lebaka
La go go abela sengwe sa kgololesego ya me
Re utlwane nako e ntse e gatela pele
Ka potlako kgotsa ka go diega
Kgololesego ya me e se ka ya nkhupetsa
Ohoo ! Nkgolole mo go yone

Marion Bloem

Tswana translation by Nols Swanepoel